Dikgwetlho ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporefense, eo e batlang go mekamekana le merero ya bašwa. Dikomiti di rwele maikarabelo a go lebelela merero ya bašwa mme e tshwanetse go mekamekana le molao o o amang bašwa.
Palamente mo palogotlheng ya yona ya go dira melao, e fetisitse melao e le mentsi jaaka Molao wa Matlafatso ya Bantsho ka Bophara mo Ikonoming, 2003, Molao wa Tsweletso ya Bokgoni 1998, le Molao wa Tekatekano wa Thapo
Palamente mo tirong ya yona ya go ela maemo tlhoko, e lebelela tsenyotirisong ya melao e e fetisitsweng e e tsenyeletsang eo e rulaganyeditsweng bašwa ba naga.
Ka fao Bašwa ba Aforika Borwa ba ka tsayang karolo mo Palamenteng
Go dira gore Palamente e .tlhelelwe, go na le lenaneo le le bidiwang " Molelwane wa Maloko" moo bašwa ba kopanang le Maloko a Palamente ka bongwe ka merero e e botlhokwa mo go bona. Ba ka nna ba dira gore mantswe a bona a utlwagale ka go dira ditshwaelo tsa molomo kgotsa ka go di kwala.
Bašwa ba dira karolo ya setšhaba eo e ka tsenelang Dikopano tsa Dikomiti moo bontsi jwa tiro ya Palamente bo dirwang gona, mme gape ba ka tsenela dikopano tsa Ntlo go ka lebelela, go ikhumisa le go imatlafatsa.
Palamente e na le ditiro tse di farologaneng tse di lebisitsweng maphata a a farologaneng, sekao. Palamente ya Bašwa ( eo e tshwarwang ka nako ya Kgwedi ya Bašwa) moo merero e e botlhokwa go bašwa e sekasekiwang mme ke moo botsaakarolo e leng jwa bašwa fela, le ditsamaiso e le tse di lebisitsweng go bona.
Molaotheo o gapeletsa Palamente go tsenyeletsa setšhaba mo ditiragalong le ditsamaisong tsa yona, fa go le jalo bašwa jaaka karolo ya setšhaba ba lalediwa go le gantsi go tsaya karolo mo mananeong a Palamente, jaaka ditheetso tsa Setšhaba, Puo ya Moporesitente ya pulo ya Palamente le maiteko a mangwe a ka nnang teng le mananeo a botsaakarolo jwa setšhaba.
Phamfolete e e gona ka dipuo di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
